Acts 28

Ba amogelwa sentle ke batho ba Malita

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 28:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 28:1-2.
Mme ka bofefo ra lemoga fa re gorogile mo setlhakeng sa Malita. Batho ba setlhake ba ne ba re siametse thata, ba ne ba gotsa molelo o motona fa lotshitshing go re amogela le go re thuthafatsa mo puleng le mo botsididing.

3Mme erile fa Paulo a kokoanya ngata ya dikgong go di tsenya mo molelong, noga e e botlhole ya ntshiwa mo molelong ke mogote, ya ithatha ka letsogo la gagwe! 4Mme batho ba setlhake ba ne ba e bona e lepeletse mme ba raana ba re, “Ke mmolai ga gona pelaelo! Le ntswa a falotse mo lewatleng, tshiamiso ga e ka ke ya mo letla gore a tshele!”

5Mme Paulo a tlhotlhorela noga mo molelong e sa mo loma. 6Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo.

Paulo o fodisa rraagwe Pubelio

7Fa lotshitshing fa re neng ra nna teng go ne go na le tshimo ya ga Pubelio, molaodi wa setlhake. O ne a re amogela sentle a bo a re fa dijo ka malatsi a le mararo. 8Mme erile ka yone nako eo, rraagwe Pubelio a bo a lwala bolwetse jwa letshoroma le motabogo o mohibidu. Paulo a tsena a mo rapelela, mme a mmaya diatla a mo fodisa! 9Mme balwetse ba bangwe botlhe mo setlhakeng ba tla mme ba fodisiwa. 10Mme ka ntlha ya moo ra tshologelwa ke dimpho di le dintsi, mme erile fa go tla nako ya gore re tsamaye, batho ba olela mefuta yotlhe ya dilo tse re tlaa di tlhokang mo loetong.

11E ne e le kgwedi tse tharo sekepe se sena go senyega pele ga re simolola go tsamaya, mme ka nako e, re ne ra tsamaya ka sekepe se se bidiwang Mafatlha a Basimane sa Alekesanderia, sekepe se se neng se feditse mariga mo setlhakeng. 12Re ne ra ema la ntlha kwa Sirakuse, kwa re neng ra nna teng malatsi a mararo. 13Mme go tswa foo ra dikologa ra ya kwa Regiama; letsatsi le le latelang phefo ya borwa ya simolola go foka, mme letsatsi le le latelang ra goroga kwa Puteoli, 14kwa re neng ra bona badumedi bangwe teng! Ba ne ba re kopa gore re nne nabo malatsi a supa. Go tsweng foo ra tswelela ra ya Roma.

15Bakaulengwe ba Roma ba ne ba utlwile gore re e tla mme ba tla go re kopantsha kwa patlelong mo Tseleng ya Apio. Bangwe ba kopana le rona kwa matlung a mararo a boitapoloso. Erile Paulo a ba bona, a leboga Modimo mme a nametsega.

16Mme erile fa re goroga kwa Roma, Paulo o ne a letlelelwa gore a nne fa a ratang teng, le fa a ne a disitswe ke lesole. 17Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane. 18Mme Ba-Roma ba ne ba ntshekisa ba bo ba rata go nkgolola, gonne ba ne ba sa bone molato ope o o tshwanetseng loso jaaka bagolwane ba Bajuta ba ne ba batla. 19Mme erile fa Bajuta ba gana katlholo eo, ka bona go tlhokega, gore ke ikuele mo go Kaisara, ke sa ba eleletse bosula bope. 20Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.”

21Mme ba fetola ba re, “Ga re ise re ke re utlwe sepe se o sekisiwang ka ga sone! Ga re ise re ke re amogele dikwalo dipe tse di tswang kwa Judea kgotsa dipego tse di tlang le ba ba tswang kwa Jerusalema. 22Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!”

23Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa!

24Mme bangwe ba ne ba dumela, ba bangwe ba gana go dumela.

25Mme erile ba sena go ganetsanya ka bosi ba tsamaya ba tlhabilwe ke lefoko la bofelo la ga Paulo le le reng, “Mowa O O Boitshepo o ne o bua boammaaruri fa o bua ka Moporofiti Isaia o re, 26‘Raya Bajuta o re, “Lo tlaa utlwa lo bo lo bona mme ga lo na go tlhaloganya,” 27gonne dipelo tsa lona di thata le ditsebe tsa lona ga di reetse mme lo tswetse matlho a lona gore lo seka lwa bona lwa tlhaloganya, le go sokologela kwa go nna gore ke lo fodise.’ 28
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 28:29.
29
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 28:28-29.
Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.”

30Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela, 31a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.
Copyright information for TsnLEF